Acts 26

Paulo gape fa pele ga ga Ageripa

1Mme Ageripa a raya Paulo a re, “Tswelela o re bolelele polelo ya gago.” Jalo Paulo a otlolola letsogo a ikarabela a re:

2“Ke sego, Kgosi Ageripa, fa ke na le tshwanelo ya go ikarabela fa pele ga gago gompieno, 3gonne ke itse fa o le moitseanape wa melao ya Sejuta le ngwao. Mme ke a go kopa gore o ntheetse ka bopelotelele!

4“Fela jaaka Bajuta ba itse sentle, ke rutilwe thata ka Sejuta go tswa bonyaneng jwa me kwa Tareso, mme morago ka rutwa kwa Jerusalema, mme ka tshela fela jalo. 5Mme fa ba rata ba ka dumalana le nna, ba itse gore ke ne ke le mofarasai yo o tlhokomelang melao fa go tla mo kobamelong ya melao ya Sejuta le dingwao. 6Mme lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane. 7Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato! 8A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi.

9“A go utlwala go sa dumelesege mo go wena gore Modimo o ka tsosa batho mo losong gore ke tshwanetse go dira ditiro tse di boitshegang mo balateding ba ga Jesu wa Nasaretha. 10Ke ne ka tsenya baitshepi ba le bantsi mo kgolegelong kwa Jerusalema, jaaka go ne go laotswe ke baperesiti ba bagolo; mme erile ba atlholelwa leso ka dumelana nabo. 11Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele.

12“Ke ne ke le mo loetong lo lo ntseng jalo ke ya Damaseko, ke tshotse ditaelo tse di neng di tswa kwa baperesiting ba bagolo, 13fa ka letsatsi lengwe ka e ne e le motshegare wa sethoboloko, nna le bapati ba me ra phatshimelwa ke lesedi le le neng le phatsima go gaisa letsatsi. 14Re ne ra wela fa fatshe rotlhe, mme ka utlwa lentswe le bua le nna ka Sehebera le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O ikutlwisa botlhoko fela!’

15“Ka botsa ka re, ‘O mang Morena?’ Mme a fetola a re, ‘Ke Jesu, yo o mmogisang. 16Jaanong ema ka dinao! Gonne ke bonetse mo go wena go go dira modiredi le mosupi wa me. O tshwanetse go bolelela lefatshe ka tiragalo e, le kaga tse dingwe tse ke tlaa di go supegetsang. 17Mme ke tlaa go sireletsa mo go bagaeno le mo go Badichaba. Ee, ke tlaa go romela kwa go Badichaba, 18go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’

19“Mme jalo, Kgosi Ageripa, ga ke a ka ka tlhoka go reetsa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong! 20Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng. 21Bajuta ba ne ba ntshwara mo Tempeleng ka ntlha ya go rera jaana, mme ba leka go mpolaya, 22mme Modimo o ne wa ntshireletsa gore ke be ke sa ntse ke tshela gompieno gore ke bolelele mongwe le mongwe dilo tse, bagolo le bannye. Ga ke rute sepe fa e se se baporofiti le Moshe ba se buileng, 23gore Mesia o tlaa boga, mme a nne wa ntlha go tsoga mo baswing, go tlisa lesedi mo Bajuteng le mo go Badichaba.”

24Mme ka tshoganetso Feseto a goa a re, “Paulo oa tsenwa, Go rutega thata ga gago go a go tsentsha!”

25Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng. 26Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring! 27Kgosi Ageripa, a o dumela baporofiti? Mme ke a itse gore o a dumela.”

28Mme Ageripa a mo tsena ganong a re, “A o batla go ntira Mokeresete mo lobakeng lo lokhutshwane lo?”

29Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.”

30Mme Kgosi le molaodi, le Berenise le ba bangwe botlhe ba ema ba tsamaya. 31Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.”

32Mme Ageripa a raya Feseto a re, “Fa a ka bo a sa dira boikuelo kwa go Kaisara, o ka bo a gololwa.”
Copyright information for TsnLEF